Mark 8

Jesu o fepa ba ba dikete tse nne

1
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 8:2.
2
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 8:1-2.
Ka letsatsi lengwe jaaka bontsi bo phuthega, batho ba felelwa ke dijo gape, Jesu a bitsa barutwa ba gagwe go tla go bua ka seemo seo. A re, “Ke utlwela batho ba botlhoko, gonne ga ba bolo go nna fano malatsi a le mararo, mme ga ba a salelwa ke sepe go se ja.
3Mme fa ke ba phatlalaletsa kwa magaeng a bone ke sa ba fa dijo ba tlaa idibalela mo tseleng! Gonne bangwe ba bone ba tswa kgakala.” 4Mme ba mo fetola ka tshotlo ba re, “A re tshwanetse go ba senkela dijo fano mo sekakeng?”

5A botsa a re, “Lo na le dinkgwe di le kae?” Mme bone ba re, “Di supa”. 6Hong a raya bontsi jwa batho a re bo nne fa fatshe. Mme a tsaya dinkgwe di supa, a di lebogela, a di ngathoganya dikapetlana a di fetisetsa kwa barutweng, mme barutwa ba di abela batho. 7Mme ba bo ba na le ditlhatswana di se kae, hong Jesu a di segofatsa a raya barutwa a re ba fe batho. 8
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 8:9.
9
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 8:8-9.
Hong bontsi jwa batho jwa a ja jotlhe go fitlhelela bo kgora, mme morago ga moo a ba phatlalaletsa kwa magaeng a bone. Go ne go na le batho ba ka nna dikete tse nne ka letsatsi leo. Mme ya re masalela a sena go kokoanngwa morago ga dijo ga sala diroto di supa tse di tona di tletse!

10Ka bonako morago ga moo a tsena mo mokorong le barutwa ba gagwe a ya kwa kgaolong ya Dalemanutha. 11E rile baeteledipele ba Sejuta ba kgaolo eo ba utlwa gore o gorogile ba tla go tatalalana nae ba re, “Re direle kgakgamatso, dira gore sengwe se diragale mo loaping. Ke gone re tlaa dumelang mo go wena.”

12Mme a utlwa botlhoko fa a utlwa kafa ba buang ka teng mme a re, “Nnyaa bathong. Lo ntse lo batla dikgakgamatso dife?”

13Hong a boela mo mokorong a ba tlogela, a tshelela ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha.

Jesu o tlhagisa ka ga Bafarasai

14Mme barutwa ba bo ba lebetse go tsaya dijo pele ga ba tsamaya, mme ba ne ba na le senkgwe se le sengwe fela mo mokorong.

15Ya re ba kgabaganya, Jesu a ba tlhagisa ka tlhoafalo a re, “Itlhokomeleng mo sebidisong sa ga Kgosi Herode le mo sebidisong sa Bafarasai.”

16Mme barutwa ba botsanya ba re, “O rayang?” Ya re kwa bofelong ba akanya gore o tshwanetse a ba a bua ka go lebala ga bone go tla le senkgwe.

17Jesu a lemoga se ba neng ba se bua mme a re, “Nnyaa, ga go a nna jalo gotlhelele! A ga lo tlhaloganye? A dipelo tsa lona di thata go ka lemoga? 18Fela jaaka Isaia a boletse, ‘Matlho a lona ke a go re lo bone ka one--ke ka ntlha yang fa lo sa lebe? Ke ka ntlha yang fa lo sa bule ditsebe tsa lona mme lwa reetsa’ A ga lo gakologelwe sepe gotlhelele?

19“Lwa reng ka batho ba ba dikete tse tlhano ba ke neng ka ba fepha ka dinkgwe tse tlhano? Go ne go na le diroto di le kae tse di neng di tletse masalela ba sena go ja?” Ba re, “Lesome le bobedi.” 20“Mme e rile fa ke abela batho ba le dikete di le nne dinkgwe di supa, go ne ga sala di le kae?” Ba re, “Go ne ga sala diroto tse di tletseng di supa.”

21“Mme a lo gopola gore ke a tshwenyega fa go sena senkgwe?”

Jesu o fodisa sehohu sa Bathesaida

22Ya re ba fitlha mo Bethesaida, batho bangwe ba tlisa kwa go ene monna yo o foufetseng mme ba mo kopa gore a mo ame gore a fole. 23Jesu a tshwara monna yo o foufetseng ka letsogo a mo gogela kwa ntle ga motse, a mo kgwela mathe mo matlhong a bo a mmaya diatla. Jesu a mmotsa a re, “A o bona sengwe jaanong?”

24Mme monna a leba mo tikologong a re, “Ee, ke bona batho. Mme ga ke ba bone sentle; ba lebega e ka re ke dithito tsa ditlhare di a tsamaya?”

25Hong Jesu a mmaya gape diatla mo matlhong mme ya re a leba, a boelwa ke pono ya gagwe gotlhelele, mme a bona sengwe le sengwe sentle, se se neng se le mo tikologong ya gagwe.

26Jesu a mo romela kwa gae kwa go ba ntlo ya gagwe. A mo raya a re, “O seka wa ya mo motseng pele.”

27Jesu le barutwa ba gagwe ba tswa mo Galalea ba tswela kwa ntle kwa metseng ya Kaesarea Filipo. Mme ya re ba ntse ba tsamaya a ba botsa a re, “Ana batho ba re ke mang? Ba reng ka ga me?” 28Barutwa ba araba ba re, “Bangwe ba bone ba gopola gore o Johane wa Mokolobetsi, mme bangwe ba re o Elija kgotsa o mongwe wa baporofiti ba bogologolo o rudile.”

29Hong a ba botsa a re, “Mme lona lo gopola gore ke mang?” Petere a araba a re, “O Mesia.” 30Hong Jesu a ba laya gore ba se bolelele ope!

Jesu o buwa ka loso lwa gagwe

31A simolola go ba bolelela ka matshwenyego a a boitshegang a o tlaa a bogang le gore o tlaa ganwa ke baeteledipele le bagolwane ba baperesiti le bangwe baeteledipele ba Sejuta, le gore o tlaa bolawa, mme morago ga malatsi a le mararo o tlaa tsoga gape. 32Mme o ne a bua le bone ka tlhamalalo, hong Petere a mo tseela kwa thoko a ya go mo kgalemela a re, “O seka wa bua dilo tse di ntseng jalo.”

33Hong Jesu a retologa a leba barutwa ba gagwe a gakalela Petere a re, “Satane, tloga fa morago ga me! O leba dilo tse ka tebo ya senama fela, e seng kafa ntlheng ya bo-Modimo.”

34Hong a bitsa barutwa ba gagwe le bontsi jwa batho go tla go mo reetsa, a ba raya a re, “Fa mongwe wa lona a rata go nna molatedi wa me, o tshwanetse go beela mahumo a gagwe fa thoko a itshikarele mokgoro, mme a ntshale morago. 35Fa lo tsweletse go boloka botshelo jwa lona, bo tlaa lo latlhegela. Fela ba ba latlhegelwang ke matshelo a bone ka ntlha ya me le ka ntlha ya Mafoko a a Molemo, ba tlaa itse gore tota botshelo bo rayang.

36“Mme motho o boelwa ke eng fa a fenya lefatshe lotlhe mme a lathegelwa ke botshelo jwa gagwe? 37Gonne a go na le sengwe sa botlhokwa go gaisa mowa wa gagwe? 38Le, fa e le mang yo o ntlhabelwang ke ditlhong le molaetsa wa me mo malatsing ano a go tlhoka go dumela le a boleo, Nna Mesia, ke tlaa mo tlhabelwa ke ditlhong fa ke boa ke le mo kgalalelong ya ga Rre, le baengele ba ba boitshepo.”
Copyright information for TsnLEF